LENAANE LA DIPOTSO LE DIKARABO LA BADIRI FA BA AMOGELA DIPOTSO KA MOGALA
Potso: Go diragala eng fa leloko le sa tsibogele tumalano ya tshekatsheko go ya ka
Molawana wa 28?
Karabo: Leloko le tlile go tshwanela ke go duelela molato gape le tlile go bewa mo khunologong e e sa duelweng. Khunologo ya bokoa jwa nakwana e tlile go emisiwa.
Potso: Ke mang yo o swetsang ka ga bonnete jwa paka ya bolwetse kgotsa ka ga boitekanelo jo bo lolameng?
Karabo: Thandile o tlile go dira katlanegiso e Ntlokgolo e tsayang tshwetso e ikaegile ka yona.
Potso: Goreng leloko / modiri a tshwanetse go bona moitseanape mabapi le tshekatsheko?
Karabo: Morago ga katlanegiso ya ga Thandile go ya ka pholisi ya DPSA, SAPS e swetsa go ya ka Molawana wa 28 gore modiri o tshwanetse go bona moitseanape mabapi le katlanegiso e e maleba ka ga bokgoni jwa leloko kgotsa go bona kakanyo e nngwe gape- ke pateletso mo makoeng otlhe a bolwetse jwa tlhaloganyo.
Potso: A leloko / modiri o na le tshwanelo ya go ka bona khophi ya dipegelo tsa boitekanelo?
Karabo: Ee, modiri o tshwanetse go kopa ka lekwalo gore Ntlokgolo e rebole khophi ya pegelo. Se, ga se diriwe ka mokgwa wa "Phitlhelelo ya tshedimosetso".
Leloko le tshwanetse go kaya sentle kwa pegelo e tshwanetseng go romelwa kwa teng go sireletsa bofitlha jwa yona.
Potso: Goreng Thandile a sa rebole tshedimosetso?
Karabo: Tumalano ke gore SAPS e tlile go rebola tshedimosetso yotlhe e seng
Thandile. Ke Balaodi ba Kotsi ya Boitekanelo. SAPS e tsaya ditshwetso tsotlhe e bile e tlile gape go rebola tshedimosetso. Ka mokgwa o, bofitlha gape bo a sirelediwa.
Potso Goreng kopo ya khunologo ya bokoa e diriwa fa kotsi e diragetse fa tirong?
Karabo: E diriwa go tlhomamisa fa paka ya tlhokafalo e na le bonnete fa go sekasekiwa maemo a boitekanelo a leloko. E tlile go ama khunologo ya bolwetse, ka mafoko a mangwe fa leloko le tlhokafala lobaka lo lo leele, karolo e e rileng e tlile go nna khunologo ya bokoa fa e nngwe e tlile go nna khunologo ya bolwetse kgotsa khunologo e e sa duelelweng.
Potso: Go diragala eng fa go swediwa gore ditirelo tsa leloko di tshwanetse go busediwa fela leloko le sa boele kwa tirong?
Karabo: Tlhokafalo kwa ntle ga tuelo.
Potso: Go diragala eng fa leloko le tsenya ngongorego kgatlhanong le go kganelwa ga kopo ya lona e e mabapi le bokoa jwa boitekanelo?
Karabo: Fa leloko le tsentse ngongorego e bile le atlegile, leloko le tlile go bona madi a paka ya lona ya tlhokafalo. Fa leloko le sa atlege, le ka se bone madi ape a paka ya tlhokafalo, ntle fa le ka kopa gore tlhokafalo e fetolwe go nna khunologo ya boikhutso.
Potso: Goreng dikitsiso tse di ka ga go dira tumalano ya tshekatsheko di tshwanetse go neelwa leloko ka sebele?
Karabo: Gore go se ke ga nna le go se utlwisesane ka ga nako le letlha la go dira tumalano e bile le go netefatsa gore leloko le itse ka ga go dira tumalano. Fa tumalano e sa obamelwe, modiri o tlile go rwala maikarabelo a tuelo.
Potso: A leloko / modiri a ka phimola tumalano?
Karabo: Nnyaa, ke taelo e e tswang mo Molawaneng 28. Fa leloko le ka se kgone go obamela tumalano, Ntlokgolo le Botsamisi jwa Badiri e tshwanetse go itsesiwe.
Ntlokgolo e tlile go tlhomamisa fa go phimolwa go na le bonnete, sekao dithulaganyo tsa lenyalo le dithulaganyo tsa khunologo ga di amogelesege. Mabaka e tshwanetse go nna a a utlwagalang a boitekanelo.
Potso: A malwetse a bilharzia (thotamadi ) le malaria a ka tsena motho a le fa tirong?
Karabo: Ee, fa leloko le ne le le fa tirong kwa lefelong le le nang le bilhazia kgotsa malaria e bile diteko tsa madi di supa jalo. Molawana 689 (1 ) (a ) kopano e tshwanetse go tshwariwa gape bosupi jotlhe bo tlile go sekasekiwa.
Potso: A kopano e tshwanetse go tshwariwa fa leloko le na le khutsafalo kgotsa PTSD
ka ntlha ya mathata a lona?
Karabo Nnyaa, ka gonne leloko le ne le sa dire ka fa dikgatlhegelong tsa mothapi.
Ditokomane tsa kgobalo di tladiwa go kaiwa e le tsa kgobalo e e diragetseng kwa ntle ga tiro di be di faelwa go ya ka SO 125 (16 ). Leloko le tshwanetse go tlhagisa mo polelong ya lona gore se, se diragetse ka ntlha ya mathata a lona.
Potso: A dikgobalo tse di diragetseng kwa ntle ga tiro le tsona di tshwanetse go lebisiwa kwa Ntlokgolo go swediwa?
Karabo: Ee, di tsenngwa mo khomputareng gore tshedimosetso e tle e nne teng kgotsa gore molato o tle o kaiwe e le wa kgobalo e e diragetseng kwa ntle ga tiro, gore o tle o duelelwe.
Potso: Modiri o ne a sega bojang, mme o ne a lomiwa ke notshe, a kgobalo e diragetse kwa tirong?
Karabo: Fa e le gore modiri ( modiri yo o dirang kwa ntle ) o dira ka fa dikgatlhegelong tsa mothapi wa gagwe, ke kgobalo e e diragetseng kwa tirong.
Potso: Lephodisa le kwa gae mme le fa tirong ya tshoganyetso. Thaere ya serori sa
Mmuso e felelwa ke mowa. Lephodisa le, le gobala mo mokwatleng. A kgobalo e, ke ya fa tirong kgotsa ke ya kwa ntle ga tiro?
Karabo: Ke ya fa tirong. Lephodisa le dira ka fa dikgatlhegelong tsa SAPS e bile le fa tirong ya lona ya semmuso.
Potso: Magodu a ne a utswa kwa ntlong ya leloko mme leloko le ne la a lwantsha, fela le ne la thuntshiwa mo leotong. A kgobalo e, ke ya fa tirong?
Karabo: Nnyaa. Leloko le ne le sireletsa dithoto tsa lona e bile le ne le dira ka fa dikgatlhegelong tsa lona e seng ka fa dikgatlhegelong tsa mothapi wa lona.
Potso: Ke mang yo o tshwanetseng go bega kgobalo ya fa tirong kwa go Komišenara ya Meputso?
Karabo: Diforomo WCL 2, 3 jalojalo di romelwa kwa Ntlokgolo. Ntlokgolo e sekaseka dintlha, e bile e tsenya kgobalo mo khomputareng le go e romela kwa go Komišinara ya Meputso.
Potso: Ke mang yo o tlhomamisang bokoa jwa leruri?
Karabo: Ke Komišenara ya Meputso a ikaegile ka bosupi jwa boitekanelo.
Potso: Go diragala eng fa e le gore molato o setse o duetswe ke SAPS mme tota e se kgobalo ya fa tirong?
Karalo: Dituelo tse di latelang tsa kgobalo ya fa tirong di tsewa ka bonako. Leloko /
morebodi wa ditirelo o tshwanetse go itsesiwe e bile melato e e tlang e tshwanetse go isiwa kwa Letloleng la Boitekanelo.
Potso: Go diragala eng fa Polmed e setse e duetse molato wa kgobalo ya fa tirong?
Karabo: Polmed e kopa gore e busediwe madi a yona go tswa go morebodi wa ditirelo e bile melato e isiwa kwa lephateng le le malebana le Dikgobalo tsa fa
Tirong.
Potso: Kgobalo ya fa tirong e tshwanetse go swediwa mo sebakeng se sekae?
Karabo: Mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo. E seng jalo, se, se ka dira gore leloko le latlhegelwe go lebilwe tuelelo ya melato ya lona.
Potso: Ke mang yo o tshwanetseng go tlatsa diforomo tsa WCL ( morago ga WCL 2 )?
Karabo: Monayaditaelo kgotsa moemedi wa gagwe motho yo o lebaganeng le diboto mo seemong sa diteišene 
Potso: Go diragala eng fa ke sa dumalane le Kgobalo ya fa Tirong?
Karabo: Modiri a ka ikuela kgotsa a tsenya ngongorego. Bosupi jo bošwa bo ka tlhagisiwa. Lephata la Meputso le ka boniwa go tshwaela.
Go thata go tsaya ditswetso ka mogala fa motho a sena ditokomane tsotlhe. Ka jalo, go atlanegisiwa gore diboto tsa dikgobalo/PTSD di konosediwe gape di fetisediwe kwa Ntlokgolong go swediwa. Dintlha tse di fa godimo ke dikao tse di mmalwa fela. Molato mongwe le mongwe o tlile go atlholwa go ikaegilwe ka bosupi le dipegelo tsa boitekanelo.
